Unity Dow
| Unity Dow | |
|---|---|
Dow in 2011 | |
| Minister of Foreign Affairs and International Cooperation | |
| In office 2 November 2019 – 26 August 2020 | |
| President | Mokgweetsi Masisi |
| Pele Ga Gagwe | Vincent T. Seretse |
| Morago Ga Gagwe | Lemogang Kwape |
| Member of Parliament for Kgatleng West | |
| Pele Ga Gagwe | new constituency |
| Majority | 193 (1.66%) |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | Unity Diswai 23 April 1959 Mochudi, Bechuanaland Protectorate (now Botswana |
| Mokgatlho | Botswana Congress Party |
| Mo/Bakapelo | Peter Nathan Dow (m. 1984)Karl J. Stahl[1] |
| Bana | 3 |
| Alma mater | University of Botswana and Swaziland (LLB) University of Edinburgh |
| Tiro | Lawyer, judge, politician, writer, and human rights activist |
Unity Dow (née Diswai; o tshotswe ka Moranang a le masome mabedi le boraro 1959) ke mmueledi wa Motswana[Nopolo 1], mokwadi, molweladitshwanelo tsa batho le Leloko la Palamente la Kgatleng Bophirima e sale ka Ngwanatsele 2024. O kile a nna moatlhodi kwa Kgotla Kgolo ya Ditsheko ya Botswana le mo phateng a a farologaneng a Botswana. O tsholetswe kwa Bechuanaland Protectorate ke moroki le molemimorui, ba ba neng ba gatelela gore bana ba bone ba bone thuto, Dow o goletse mo motseng wa setso wa legae pele ga ditlhabololo tsa segompieno. O ne a bona thuto ya molao ka 1983 kwa Yunibesithing ya Botswana le Swaziland, le fa dithuto tsa gagwe di ne tsa wediwa kwa Swaziland le kwa Yunibesithing ya Edinburgh, kwa Scotland, ka Botswana a ne a sena sekolo sa molao ka nako eo. Fa a sena go aloga, Dow o ne a bula kantoro ya ntlha ya molao e le ya basadi gotlhe mo Botswana mme ka 1997 a nna mosadi wa ntlha go tlhomiwa go nna moatlhodi kwa Kgotla Kgolo ya Ditsheko ya lefatshe leo.
Ka nako ya fa a ne a le mo tirong ya molao, Dow o ne a amega mo dikgetsing di le tharo tsa ditso mo Botswana. Ka 1992, e ne e le mongongoregi mo kgetsing e e botlhokwa ya semolao, Unity Dow v Attorney-General, e e neng ya fedisa go tlhaola batho ka bong mo melaong ya bosetšhaba ya setšhaba e pele e neng e sa letle bana go bona bosetšhaba mo go bommaabone ba ba nyetsweng. Kgetse e ne ya bonela Dow tebelelo ya boditšhabatšhaba mme ya tsosa lekhubu la diphetogo tse di fedisang go sa lekalekane ga bong mo melaong ya bosetšhaba go ralala Aforika. Ka 2006, jaaka moatlhodi yo o okametseng kgetse ya ga Roy Sesana and Others v. the Government of Botswana, Dow o ne a atlhola kgatlhanong le ditiro tsa puso tsa go thibela batho ba tlholego ba Basarwa go nna le go tsoma mo mafelong a borraabonemogologolwane, mme seo sa ba pateletsa go nna gape kwa ntle ga Central Kalahari Game Reserve. O ne a atlhola gore puso e tshwanetse go busetsa ditirelo tsa motheo, e letle Basarwa go boela mo lefatsheng le go bona ditetla tsa go tsoma, le go duela ditshenyegelo mo go ba ba fudusitsweng ka dikgoka fa ba ka tlhopha go se boele. Ka ngwaga wa 2014, Dow o ne a dira jaaka mmueledi wa semolao wa LEGABIBO (Lesbians, Gays & Bisexuals of Botswana) mo kgetseng ya bone ya go kwadisa mokgatlho wa bone kwa Lephateng la Kwadiso ya Matsalo mme ba atlega go amogela katlholo ya gore puso e letle mokgatlho o kwadisiwe.
Dow o ne a tlhophiwa la ntlha go tsena mo Kokoanong ya Bosetšhaba ka 2014, fa a ne a tlhophiwa ke Tautona Ian Khama jaaka mopalamente yo o itlhophetsweng. O ne a tlhomiwa la ntlha go nna Mothusa Tona wa Thuto mme ka 2015 a nna Tona ya Thuto le Tlhabololo ya Dikitso. Morago ga moo o ne a dira jaaka Tona ya Thuto ya Motheo, Tona ya Mafaratlhatlha le Tlhabololo, le Tona ya Merero ya mafatshe a sele, pele ga a nna moeteledipele wa lemorago ka 2020. O dirile mo dikhuduthamageng le dikomiting di le mmalwa tsa boditšhabatšhaba, a sekaseka tiriso ya melao e e amang ditshwanelo tsa batho kwa Kenya, Palastina, Rwanda le Sierra Leone. Ka 2000, Dow o ne a simolola go gatisa dipadi, ka tlwaelo o ne a lebile dikgang tsa loago le tsa semolao le ditlamorago tsa tsone mo dipopegong tsa bong le tsa maatla. Dibuka tse di sekaseka mekgwa ya loago le go dirisa batho botlhaswa ka go ba sotlaka, go dirisa dikgoka le go gatelela ditshwanelo tsa batho. O amogetse dikakgolo le ditlotla di le dintsi ka ntlha ya tiro ya gagwe ya go thusa batho, go akaretsa le Legion of Honor ka 2010.
Botshelo jwa pele le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Unity Dow o tshotswe ka kgwedi ya Moranang e le malatsi a masome mabedi le boraro ka ngwaga wa 1959 mo motseng wa Mochudi, mo kgaolong ya Kgatleng, mo lefatsheng la Botswana le ka nako eo e neng ele Bechuanaland Protectorate[2][3] mo batsading ba gagwe Phiri le Maefshane Diswai (ba ba itsegeng gape ka leina la Moses le Ellen Diswai), ditlogolwana tsa merafe ya tlholego ya Basarwa le maloko a merafe ya Bakgatla. Motseselegae o a goletseng mo go one o ne o sa tshelwa ditsela, motlakase le metsi a a elang. Go ne go sena mesokelatsebeng e bile o ne a ise a bone setsidifatsi go fitlha a nna mo dingwageng tsa bonana, le fa e le thelebishene go fitlha a nna dingwaga di le masome a mabedi.[4][5] Mmaagwe e ne e le moroki, yo o neng a kgona go bala le go kwala ka Setswana, mme e seng Seesemane.[6][7] Rraagwe, yo o neng a bereka mo polasing e nnye, o ne a bua le go bala Seesemane.[7][8] Fa rraagwe a ne a le kwa sekolong, o ne a gapa thuso ya madi a go tsena Yunibesithi ya Fort Hare, mme thuso eo e ne ya newa morwa kgosi boemong jwa gagwe. Mo batsading ba gagwe ka bobedi, thuto e ne ya nna selo sa botlhokwa mme bana ba bone ba le barataro mo go ba le supa ba ne ba wetsa dithuto tsa bone tsa yunibesithi.[7] Dithuto tsa bone tsa Bophirima di ne di sa tlwaelega mo metseselegaeng ya Botswana ka nako eo.[6] Diswai o weditse dithuto tsa gagwe tse di potlana le tse dikgolwane kwa Mochudi.[2] Morago ga sekolo se segolwane, o ne a ithutela molao kwa Yunibesithing ya Botswana le Swaziland.[2][5] Ka gonne go ne go sena sekolo sa molao mo Botswana ka nako eo, ka fa tlase ga thulaganyo ya thuso ya Borithane o ne a tsena yunibesithi kwa Swaziland mme a wetsa dingwaga di le pedi tsa dithuto kwa Scotland, kwa Yunibesithing ya Edinburgh, pele ga a bona digerata ya gagwe ya Bachelor of Laws ka 1983 kwa Yunibesithing ya Botswana le Swaziland.[2][9][10]
Molao le bolweladitshwanelo
[fetola | Fetola Motswedi]Tiro ya gagwe ya pele (1983–1991)
[fetola | Fetola Motswedi]
Diswai o ne a bona dithutego tsa go nna mmueledi ka ngwaga wa 1983 mme a simolola go bereka kwa dikantorong tsa Mmueledi Mogolo wa Botswana e le mosekisi wa melato ya borukutlhi kwa Gaborone. O nyalane le moagi wa Amerika, Peter Nathan Dow, ka Mopitlo a supa 1984. Banyalani ba ba ne ba nna kwa Mochudi, le bana ba bone ba bararo.[2] Ka 1986, Dow o ne a tsena mo tirong e e ikemetseng ka nosi e e neng e dira tiro ya molao wa bosenyi, mme a bula feme ya Dow Malakaila, e leng feme ya ntlha ya molao ya basadi-botlhe mo lefatsheng leo. Mo ngwageng oo, o ne a nna mongwe wa maloko a a simolotseng setlhopha sa ntlha sa bomme mo Botswana sa Emang Basadi (Emela Basadi ka dinao). Ka 1988, leina la feme le ne la fetolwa moragonyana go nna Dow Lesetedi and Company.[2][11][9] Mo ngwageng oo, o ne a simolola mmogo mokgatlho wa Basadi le Molao mo Borwa jwa Aforika (WLSA) go buelela ditshwanelo tsa basadi le bana ka dikgetsi.[2] Go tloga ka 1988 go fitlha ka 1991, Dow o ne a direla WLSA dipatlisiso, a thusa go wetsa thutopatlisiso ya kgaolo ka ga ditshwanelo tsa setho tsa basadi mo mafatsheng a le marataro tse di mabapi.[11][6] Ka 1990, o thusitse go tlhoma Lefelo la Tshedimosetso la Basadi la Metlhaetsile go rotloetsa thuto ka ditshwanelo tsa basadi ka fa tlase ga molao.[2]
Ka 1990, Dow o ne a tlhatlhela kgetsi kwa Kgotla Kgolong ya Ditsheko ya Botswana go gwetlha molao wa Bosetšhaba wa Botswana.[2] Ka fa tlase ga Molao wa Boagi wa 1984, ke fela bana ba ba seng ka fa molaong ba ba neng ba ka bona bosetšhaba ka mmaabo.[12] Ka bana ba gagwe ba le babedi mo go ba le bararo le Peter ba ne ba tsholwa morago ga lenyalo la bone, ba ne ba sa tsewe e le Batswana.[13] Ka go boifa gore go ka nna le kgonagalo ya gore fa tetla ya ga Peter ya go nna mo lefatsheng e felelwa ke nako ka 1992, lelwapa la gagwe le ka nna la patelesega go fuduga kgotsa go kgaogana, Dow o ne a simolola kgetsi ya Unity Dow v Attorney-General a latofatsa gore Molao wa Boagi o ne o tlhaola e bile o thulana le tshwanelo ya gagwe ya go tila go nyenyefadiwa le go sotlakakwa mo go seng mo sethong. Kgotlatshekelo e ne ya fitlhela e ema Dow nokeng e dumalana gore molao o ama tlhopho ya gagwe e e gololesegileng ya gore o tla nyala mang, o ka mo pateletsa go kgaogana le lelwapa la gagwe fa ditetlelelo tsa bonno tsa monna wa gagwe le bana ba gagwe di sa ntšhwafadiwe, mme o ne o tlhaola.[14]
Tiro ya magareng (1991–2009)
[fetola | Fetola Motswedi]Dow o ne a tsere sebaka sa dingwaga di le pedi a beetse tiro ya gagwe ya molao kwa tlhoko ka 1991 ka ntlha ya kgetse e mme ka nako eo, o ne a simolola mmogo Sekolo se se botlana sa Baobob kwa Gaborone le AIDS Action Trust.[9][15] O ne a dira jaaka mogokaganyi wa WLSA go tloga ka 1992 go fitlha ka 1994,[11] fa boikuelo jwa kgetse ya gagwe bo santse bo letilwe. Ka nako ya boikuelo, Attorney General v Unity Dow, puso e ne ya nganga gore go tlhaola basadi go sireleditswe ke dipeelo tsa molaomotheo go somarela dingwao tsa setso tsa Botswana, e e neng e le setšhaba sa losika lwa borre.[13] [16] Mmueledi Mogolo le ene o ne a ganela gore Dow o ne a na le maitsetsepelo, a bolela gore ene ka boene ga a a utlwisiwa botlhoko ke sepe.[17] Kgotlatshekelo ya Boikuelo, e e neng e eteletswe pele ke Tautona ya Baatlhodi Austin Amissah, e ne ya swetsa ka gore kgethololo ya bong e thulana le Molaomotheo le gore ngwao ya setso e ka se fete dipeelo tsa molaomotheo tsa tshireletso e e lekanang ka fa tlase ga molao, kgotsa ditlamego tse Botswana e neng e na le tsone ka fa tlase ga ditumalano tsa boditšhabatšhaba tse e neng e le modumedi wa tsone.[18][19] Mo kgannyeng ya maitsetsepelo, kgotlatshekelo e ne ya fitlhela gore o ne a tshwanetse go supa fela gore go na le kgonagalo ya gore a ka gobadiwa ke molao, e seng gore o ne a gobaditswe, mme go kgaogana le ba lelwapa la gagwe go tla bo go nyenyefatsa le go tlhoka setho.[20] Mo tshwetsong ya bontsi jwa batho ba le bararo go ya go ba le babedi, Kgotlatshekelo ya Boikuelo e ne ya tlhomamisa katlholo ya Kgotla Kgolo ya Ditseko ka diphetogo tse dinnye, ya bolela gore Dikarolo tsa bone le botlhano tsa Molao wa Boagi ga di dumalane le molaomotheo.[21]
Ka ntlha ya katlholo e e botlhokwa e, ka 1995 Molao wa Boagi o ne wa baakanngwa go tlosa go sa lekalekane ga bong mo go boneng bosetšhaba mo Botswana.[2][22] Katlholo e ne ya nna motheo wa ditlhopha tsa basadi go ralala Aforika go gatelela phetogo mo melaong ya bone ya bosetšhaba le go fedisa go sa lekalekane ga bong, mme seno sa felela ka gore mo e ka nnang sephatlo sa mafatshe a Aforika a baakanye melao ya bosetšhaba ka 2010.[23][24] Go tloga ka 1994 go fitlha ka 1998, Dow o ne a dira jaaka mokaedi wa Setheo sa Tshedimosetso sa Basadi sa Metlhaetsile mme ka nako eo o ne a gatisa The Citizenship Case ka 1995, a tlhalosa ka botlalo ditsamaiso tsa semolao tsa kgetse ya gagwe.[11][9] Ka 1996, o ne a dira mo kgetsing e e neng e amana le go tlhokomela bana e e neng ya felela ka gore go dirwe phetolo ya melao ya tshegetso, mme ka 1997 o ne a tlhagisa kgetse ka ga bolwetse jwa basadi ba ba itewang, a tsaya gore tseno ke dikgang tse di botlhokwa mo basading.[11][25] Mo ngwageng oo, Dow o ne a tlhomiwa go nna moatlhodi kwa Kgotla Kgolo ya Ditsheko ya Botswana, mme a simolola go direla kwa kgotlatshekelong ka Firikgong 1998.[2][11] Go tlhomiwa ga gagwe e ne e le lekgetlho la ntlha mosadi a tlhomiwa go dira jaaka moatlhodi kwa Kgotla Kgolo ya Ditsheko.[26]
Ka 2004, Dow o ne a dira jaaka karolo ya thomo ya Lekgotla la Ditshaba go sekaseka kopo ya selegae kwa Sierra Leone ya ditshwanelo tsa setho tsa basadi tsa boditšhabatšhaba le Charlotte Abaka wa Mo-Ghana, yo e kileng ya bo e le modulasetilo wa Komiti ya go Fedisa Kgethololo kgatlhanong le Basadi;[27] Feride Acar, modulasetulo yo o simolotseng thulaganyo ya Middle East Technical University ya Bong le Basadi; kwa Ankara, kwa Turkey;[27][28] Dorcas Coker-Appiah, mmueledi wa Ghana le motlhami-mmogo wa Gender Studies and Human Rights Documentation Centre kwa Accra;[27][29] le Moaforika Borwa, Tiyanjana Maluwa, moporofesara wa molao kwa Yunibesithing ya Pennsylvania State.[27] Dow o ne a tlhophiwa go nna molaodi wa Khuduthamaga ya Boditšhabatšhaba ya Babueledi ka 2004 mme a tlhophiwa gape mo maemong ao ka 2009.[30] Ka 2006, o ne a tlhophiwa go direla mo komiting e kgolo ya Khuduthamaga ya Boditšhabatšhaba ya Babueledi le balaodi ba le barataro ba ba boelelang le maloko a mararo a masha, go akaretsa le ene, Vojin Dimitrijević wa Serbia le Raji Sourani wa Palastina.[31]
Dow e ne e le moatlhodi yo o okametseng, mmogo le Maruping Dibotelo le Mphaphi Phumaphi, mo kgetsing ya Roy Sesana and Others v. the Government of Botswana e e neng ya tlisiwa kwa Kgotleng Kgolo ya Ditsheko ka 2002 ke batho ba Basarwa[32] (ba ka dinako tse dingwe ba bidiwang batho ba naga ya Kalahari)[15][25] Sesana le Keiwa Setlhobogwa ba ne ba tlisa kgetsi mo boemong jwa batho ba bangwe ba le 241 ba ba neng ba tsena mo kgetsing fa Puso ya Botswana e ne e fedisa metsi mo lefelong leno la polokelo, e gana go tlamela ka ditirelo tsa botsogo le dipalamo tsa bana ba sekolo, e emisa go abela masiela le bahumanegi dijo, le go leka go tlosa Basarwa ka dikgoka kwa ba nnang teng. Ba ne ba baakanya kgetse ya bone go akaretsa go gana ga Lephata la Diphologolo le makgabisa naga go ba letla go tsena mo lefelong la tshireletso kwantle ga tetlelelo kgotsa go ba naya diteseletso tse di kgethegileng tsa diphologolo.[32] Morago ga theetso ya dingwaga di le nne, ka 2006, Dow o ne ya swetsa ka gore go fedisiwa ga ditirelo le go patelediwa go fudusiwa ga Basarwa go ne go emela tlolomolao ya tshwanelo ya bone ya botshelo e e sireleditsweng ke molaomotheo.[11][33] O ne a laela gore ditirelo di busediwe le gore ditshenyegelo di duelwe ba ba neng ba fudusitswe mme ba se na keletso ya go boa.[34] Mo kgannyeng ya diteseletso tsa diphologolo, baatlhodi botlhe ka boraro ba ne ba dumalana gore di ne di thibetswe e se ka fa molaong, ka le fa Lephata la Diphologolo le makgabisa Naga le ne le sa patelesege go ntsha diteseletso, ka tlwaelo ba ne ba dira jalo; go di thibela ka nako e gape ba neng ba emisa mophako, go ne ga ama bokgoni jwa batho ba Basarwa jwa go itshedisa.[35] Mo kgannyeng ya diteseletso tsa go tsena mo lefelong le le sireleditsweng, Dow o ne a fitlhela gore di kgoreletsa batho ba Basarwa go dirisa ditshwanelo tsa bone tsa go tsamaya ka kgololesego.[36] Kgetse e, go ya ka moporofesa wa molao Clement Ng'ong'ola e ne e le tshwetso ya ntlha mo Botswana go amogela ditshwanelo tsa batho ba tlholego mo mafatsheng a borraabonemogologolwane.[37]
Ka 2007, Dow o ne a dira jaaka leloko la thomo e e kgethegileng ya International Legal Assistance Consortium go sekaseka tsamaiso ya boatlhodi ya Rwanda le go sekaseka gore lefatshe le ka tswa jang mo dikgotlhang tsa lone tse di fetileng le go tsosolosa tsamaiso ya yone ya bosiamisi go netefatsa gore basekisiwa mo dikgetseng tsa polao ya semorafe ya 1994 ba bo tshekiso e e sa tseeng letlhakore.[38][39] Nngwe ya dikgetsi tsa bofelo tse a neng a di okametse e ne e le malebang le go okediwa ga lekgetho la puso la dino tse di tagang. Dow o ne a diegisa go tsenngwa tirisong ga koketsego ya diperesente di le masome mararo mme kgetse e ne ya feleletsa e tholotswe.[11] O ne a rola tiro mo setilong ka Moranang 2009 go ya go tlhatlhelela kwa Sekolong sa Molao sa Yunibesithi ya Washington le Lee kwa Lexington, Virginia le kwa Yunibesithing ya Cincinnati kwa Ohio, pele ga a dira jaaka moporofesa yo o etileng kwa Sekolong sa Molao sa Columbia kwa New York City.[15][39]
Tiro ya moragonyana (2010–gompieno)
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Tlhakole 2010, Dow o ne a tlhoma feme ya semolao ya Dow & Associates mme ka yone kgwedi eo o ne a ikanisiwa ke Tautona wa Kenya jaaka mongwe wa baatlhodi mo Kgotlatshekelong ya Nakwana e e Ikemetseng ya Tharabololo ya Dikgotlhang tsa Molaomotheo go thusa go diragatsa Molaomotheo o mosha wa Kenya.[40][25] Ka 2011, o ne a tlhophiwa go nna modulasetulo wa Komiti e kgolo ya Molaodi wa Khuduthamaga ya Boditšhabatšhaba ya Babueledi.[41] Mo ngwageng oo Dow o ne a simolola go dira le Ricki Kgositau le molweladitshwanelo tse dingwe tsa batho ba ba fetogileng bong mabapi le go palelwa ga bone ke go bona dikarata tsa Omang tse di nang le bong jwa bone jo bo tshwanetseng.[42] Ka nako eo kwa Botswana go ne go sena tsela ya semolao ya gore batho ba ba fetogileng bong ba baakanye ditshwao tsa bone tsa bong mo dikwalong tsa semmuso. Fa balweladitshwanelo ba ne ba ya kwa ofising ya Omang le kwadiso matsalo go fetola dikwalo tsa bone, ba ne ba gakololwa go tla ka taelo ya kgotlatshekelo.[43] Ba ne ba kopa Dow go ba thusa, mme ene o ne a ikgolaganya le Setheo sa Ditsheko sa Aforika Borwa go thusa ka thuso ya semolao le tshegetso ya madi.[44] Go netefatsa gore kgang e tla newa theetso e e siameng, le go fedisa kgonagalo ya go latlhegelwa ke kgetse, go ne ga tsewa tshwetso ya go tlhoma sekao sa ditshwanelo tsa LGBT mo kgetsing e e nang le kotsi e nnye ya go gobala le go diegisa dikgetse tsa tshupo ya bong.[44][Nopolo ya boraro]
Go fitlhelela seo, Dow o ne a emela mokgatlho wa ditshwanelo tsa batho wa LEGABIBO (Lesbians, Gays & Bisexuals of Botswana) mo kgetsing ya bone go kwadisa mokgatlho wa bone kwa lephateng la kwadiso ya matsalo. Mokgatlho o ne o ganetswe ka go kwadisiwa ke mokaedi wa lephata le Edwin Batshu, Tona ya Badiri le Merero ya Selegae, ka mabaka a gore ditiro tsa thatano ya bong di ne di se kafa molaong mo lefatsheng leo. Dow o ne a bolela gore go gana go kwadisa mokgatlho go tlola tshwanelo ya go kopana ka kgololesego mme a gakolola gore kgetse e ne e se ka ga tshwanelo ya go dira ditiro tsa thobalano, mme e le gore a maloko a ka kokoana le go abelana tshedimosetso ya bone mmogo.[45] Ka 2014, Moatlhodi Terrence Rannowane wa Kgotla Kgolo ya Ditsheko o ne a atlhola gore go gana go kwadisa setlhopha le go se letla go kopana go ne go tlola Molaomotheo, Dikarolo ya boraro, lesome le bobedi, le lesome le boraro, tse di nayang tshwanelo ya go bua ka kgololesego, kgololesego ya go kopana, le kgololesego ya go kokoana ka go latelana.[46]

Ka Phukwi a le malatsi marataro 2012, Dow o ne a tlhomiwa ke Lekgotla la Ditshwanelo tsa Batho la Lekgotla la Ditshaba jaaka mongwe wa baitseanape ba le bararo ba ba ikemetseng go dira thomo ya go batlisisa dintlha ka ga ka moo mafelo a bonno a Iseraele a kwa West Bank a amang Bapalestina ka teng.[30] Mo ngwageng oo, o ne a swetsa go tsena mo dipolotiking mme a tsenelela lekoko la Botswana Democratic Party.[47] O ne a emela ditlhopho tsa setshaba tsa 2014 tsa Kgaolo ya Mochudi Bophirima, mme a latlhegelwa ke go bata setilo mo Kokoanong ya Bosetšhaba.[48] Ka Phalane a le masome mabedi le boferabobedi 2014, Dow o ne a tlhophiwa, mmogo le bontlhopheng ba bangwe ba le barataro, ke Tautona Ian Khama wa Botswana jaaka leloko le le itlhophetsweng la palamente. Mmogo le Kenneth Matambo, Kitso Mokaila, le Eric Molale, o ne a fenya ditlhopho mme a tlhomiwa go nna Mothusa Tona wa Thuto mo Pusong eo.[49][50] Ka Tlhakole 2015, o ne a tlhomiwa go nna Tona ya Thuto le Tlhabololo ya Dikitso ke Khama, a tlhatlhama Mokgweetsi Masisi, Mothusatautona wa Botswana yo wa nako eo.[51] Ka nako ya fa a ne a le mo Lephateng, Dow o ne a tlhoma lenaneo la go katisa barutabana go tswa kwa Seychelles kwa Botswana le go romela barutabana ba Batswana kwa ntle go ya go thusa Seychelles ka tlhaelo ya barutabana.[52] O ne a direla mo maemong ao go fitlha ka Lwetse 2016, fa mo kabakanngwa cabinet, a ne a tlhomiwa go nna Tona ya Thuto ya Motheo.[53]
Morago ga gore Khama a tloge mo maemong a botautona ka Mopitlo 2018, Dow o ne a sutisiwa ke Tautona yo o tsenang Masisi go tswa mo Thutong go ya kwa maemong a Tona ya Mafaratlhatlha le Tlhabololo ya Matlo.[54][55] Ka Seetebosigo a le masome mabedi 2018, mo phetogong ya cabinet, o ne a tlhomiwa go nna Tona ya Merero ya Mafatshe a Sele, a ananya setilo sa gagwe mo Mafaratlhatlheng le Matlo le Vincent Tina Seretse, yo o neng a tshwere Merero ya Mafatshe a sele mo nakong e e fetileng.[56] Masisi o ne a fenya botautona mo ditlhophong tsa setshaba tsa 2019 mme a tlhomamisa gape Dow jaaka Tona ya Merero ya Mafatshe a Sele ya palamente ya bo lesome le bobedi ya Botswana.[57] Dow mmogo le barwadie Cheshe le Natasha, o ne a bula Dow Academy kwa Mochudi, Kgaolo ya Kgatleng ka Firikgong 2020. Sekolo seno se se ikemetseng se ruta thuto e potlana le e kgolwane.[58] Ka Phatwe 2020, Dow o ne a tlogela bodiredi jwa gagwe mme a emisediwa ka Lemogang Kwape mo phetogong ya cabinet.[59][60] Dow o buile ka kgato e, "Jaaka tona o bua thata ka portfolio ya gago. Mme banka e e kwa morago e go naya kgololesego ya go botsolotsa dikgang tse di farologaneng tse di amang bosetšhaba. Tekanyetso e le nosi ke boemo jwa lekoko la me mo kgannyeng e e rileng".[59]
Go kwala
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Karlsruhe Institute of Technology 2008.
- ↑ 2.00 2.01 2.02 2.03 2.04 2.05 2.06 2.07 2.08 2.09 2.10 Lederer & Macharia-Mokobi 2012, p. 248.
- ↑ Lenta 2004, p. 34.
- ↑ Daymond & Lenta 2004, p. 48.
- ↑ 5.0 5.1 Ellis 2012.
- ↑ 6.0 6.1 6.2 Sunday Standard 2007.
- ↑ 7.0 7.1 7.2 Daymond & Lenta 2004, p. 49.
- ↑ Narloch 2012, p. 3.
- ↑ 9.0 9.1 9.2 9.3 University of Edinburgh 2010.
- ↑ Daymond & Lenta 2004, pp. 49–50.
- ↑ 11.0 11.1 11.2 11.3 11.4 11.5 11.6 11.7 Segwai 2008.
- ↑ Quansah 1992, p. 196.
- ↑ 13.0 13.1 Beyani 1994, p. 294.
- ↑ Coldham 1992, pp. 91–92.
- ↑ 15.0 15.1 15.2 Columbia Law School 2009.
- ↑ Quansah 1993, pp. 190–191.
- ↑ Quansah 1993, p. 190.
- ↑ Beyani 1994, p. 295.
- ↑ Quansah 1993, p. 196.
- ↑ Quansah 1993, pp. 200–201.
- ↑ Quansah 1993, p. 189.
- ↑ Manby 2010, p. 50.
- ↑ Pailey 2020, p. 1839.
- ↑ Manby 2010, p. 48.
- ↑ 25.0 25.1 25.2 Davis 2014, p. 227.
- ↑ Lederer & Macharia-Mokobi 2012, p. 249.
- ↑ 27.0 27.1 27.2 27.3 Division for the Advancement of Women 2004, p. 8.
- ↑ Bianet 2019.
- ↑ Bowman 2019, p. 4.
- ↑ 30.0 30.1 Lazaroff 2012.
- ↑ Palestinian Centre for Human Rights 2006.
- ↑ 32.0 32.1 Ng'ong'ola 2007, pp. 103–104, 107.
- ↑ Ng'ong'ola 2007, pp. 108–109.
- ↑ Ng'ong'ola 2007, p. 109.
- ↑ Ng'ong'ola 2007, pp. 115–117.
- ↑ Ng'ong'ola 2007, p. 120.
- ↑ Ng'ong'ola 2007, p. 121.
- ↑ Åhlund 2007, p. 5.
- ↑ 39.0 39.1 University of South Australia 2009.
- ↑ NSW Bar Association 2011.
- ↑ Crowe 2011.
- ↑ Camminga 2020, pp. 247–248.
- ↑ Camminga 2020, pp. 244, 248.
- ↑ 44.0 44.1 Camminga 2020, p. 248.
- ↑ Mokwape 2014a.
- ↑ Mokwape 2014b.
- ↑ Sunday Standard 2012a.
- ↑ Basimanebotlhe 2014.
- ↑ Motsamai 2014.
- ↑ Mosikare 2014.
- ↑ Piet 2015.
- ↑ Philo & Bonnelame 2015.
- ↑ Mmegi 2016b.
- ↑ Mwakideu 2018.
- ↑ Gabathuse 2018.
- ↑ Morupisi 2018.
- ↑ Mmegi 2019.
- ↑ Luebering 2020.
- ↑ 59.0 59.1 Motlhoka 2020.
- ↑ Gabathuse 2020.